Lefatshe leno la borrarona Re le abetswe ke Modimo Kwa ntle ga tshololo ya madi A re lebogeng, a re ipepleng A re lebogeng, a re ipepleng
Lefatshe leno la borrarona Re le abela matshelo a rona Re tla le fufulelwa Go fitlha sethitho se fetoga madi Go fitlha sethitho se fetoga madi
Lefasthe la kgomo le mabele Boswa jwa rona ka bosakhutleng Ramasedi a ledibele Re tshele mo go llona, ka pabalesego Re tshele mo go llona, ka pabalesego
Modimo tshegofatsa fatshe le Go rene kagiso le kutlwano Tshegofatsa Setshaba sa rona Le yona puso ya rona Go ntsha maungo a a tshedisang Go ntsha maungo a a tshedisang